Ephesians 2

Re bolokilwe ka kutlwelobotlhoko ya Modimo

1Lo kile lwa bo lo hutsitswe ke Modimo, lo atlholetswe loso lwa bosakhutleng ka ntlha ya dibe tsa lona. 2Lo ne lo tsamaya le bontsintsi jwa batho mme lo ne lo tshwana fela le ba bangwe botlhe, lo tletse boleo, lo ikobela Satane, kgosana e kgolo ya nonofo ya loapi, e e dirang mo dipelong tsa ba ba kgatlhanong le Morena gone jaanong. 3Rotlhe re kile ra bo re ntse fela jaaka ba ntse, matshelo a rona a supa bosula jo bo mo go rona, re dira sengwe le sengwe sa boikepo se dikeletso tsa rona kgotsa megopolo ya rona e e bosula e neng e re gogela mo go sone. Re ne ra simolola ka bomaswe, re tsetswe ka ditlholego tse di bosula, ra bo ra nna mo bogaleng jwa Modimo fela jaaka mongwe le mongwe.

4Mme Modimo o humile kutlwelo botlhoko thata; o re ratile thata, 5mo e leng gore le fa re ne re sule mo moweng ebile re atlholetswe loso lwa bosakhutleng ka ntlha ya dibe tsa rona, o ne wa re busetsa matshelo a rona fa o tsosa Keresete mo baswing fela ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya One e e neng e sa re tshwanela, re ne ra bolokelwa ruri, 6wa bo wa re ntsha mo lebitleng wa re tsenya mo kgalalelong mmogo le Keresete, kwa re nnang teng le ene mo mannong a segosi a selegodimo ka ntlha ya se Keresete Jesu a se dirileng. 7Mme jaanong Modimo ka malatsi otlhe o ka re supegetsa e le dikai tsa ka fa bopelonomi jwa one jo bontle bo ntseng ka teng; jaaka go supiwa mo go tsotlhe tse o re di diretseng ka Jesu Keresete.

8Ka ntlha ya bopelonomi jwa one lo bolokilwe ka go ikanya Keresete. Mme le e leng go ikanya ga se ga lona ka bo lona; le gone ke mpho e e tswang kwa Modimong.

9Poloko ga se tuelo ya tshiamo e re e dirileng, jalo he, ga gona ope wa rona yo o ka ipelafatsang ka yone. 10Ke Modimo ka bo one o o re dirileng se re leng sone wa bo wa re naya matshelo a masha a a tswang kwa go Keresete Jesu; mme mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng o ne wa loga leano la gore re tshwanetse go dirisa matshelo go thusa ba bangwe.

Re bangwefela mo go Keresete

11Se lebaleng gore lo kile lwa bo lo le baheitane, le gore Bajuta ba ne ba lo bitsa batho ba ba senang Modimo, ba ba “leswe”. (Mme le bone dipelo tsa bone di ne di santse di le leswe, le fa ba ne ba tsena mo dingwaong le mo medirong ya basiami, gonne ba ne ba ithupisa e le sesupo sa bomodimo). 12Gakologelwang gore malatsing ao lo ne lo tshela kwa ntle ga ga Keresete; lo ne lo le baba ba bana ba Modimo mme o ne o sa lo solofetsa thuso epe. Lo ne lo latlhegile, lo sena Modimo, lo sena tsholofelo. 13Mme jaanong lo ba ga Keresete, mme le fa lo kile lwa ne lo le kgakala le Modimo, jaanong lo tlisitswe gaufi le one ka ntlha ya se Keresete o se lo diretseng ka madi a gagwe.

14Gonne Keresete ka sebele ke tsela ya rona ya kagiso. O dirile kagiso fa gare ga rona Bajuta le lona Badichaba ka go re dira bana ba lolwapa lo le longwe, a diga lorako lwa kilano e e tletseng lonyatso e e neng e re kgaoganya. 15Ka loso lwa gagwe o khutlisitse tsogologano le pifelano fa gare ga rona, e e neng e dirwa ke melao ya Sejuta e e neng e sireleditse Bajuta fela e kgetholola Badichaba, gonne o swetse gore a phimole tsela eo yotlhe ya melao ya Sejuta. Mme a tsaya ditlhopha tse pedi tse di neng di sa utlwane a di dira ditokololo tsa gagwe; ka go dira jalo a re bopaganya go nna motho a le mongwe yo mosha, mme lwa bofelo ga nna kagiso. 16Ka re le ditokololo tsa mmele wa gagwe, dikilano tsa rona di nyeletse, gonne rotlhe re letlantswe mo Modimong. Jalo he, lwa bofelo kgotlhang ya felela kwa mokgorong. 17Mme o rile Mafoko a a Molemo a, a kagiso kwa go lona Badichaba ba lo neng lo le kgakala thata nae, le kwa go rona Bajuta ba re neng re le gaufi. 18Jaanong rotlhe fela, Bajuta kgotsa Badichaba, re ka tla kwa Modimong Rara ka thuso ya Mowa O O Boitshepo ka ntlha ya se Keresete o se re diretseng.

19Jaanong ga lo sa tlhole lo le baeng mo Modimong le bajaki mo legodimong, mme lo ba lolwapa lwa Modimo tota, ebile lo ba ntlo ya one mmogo le Bakeresete botlhe.

20A motheo o montle o lo emeng mo go one jaanong jaana: ebong baaposetoloi le baporofiti: Jesu Keresete ka sebele e leng lentswe la kago la kgokgotshwana. 21Rona ba re dumelang re lomagantswe sentle le Keresete jaaka ditokololo tsa tempele e ntle ya Modimo e e golelang pele.

22Mme le lona lo lomagantswe nae le ba bangwe ke Mowa, jalo lo tokololo ya ntlo e ya Modimo.
Copyright information for TsnLEF